Tunisia
From Wikipedia, the free encyclopedia
Tunisia,e e itsegeng semmuso e le Rephaboliki ya Tunisia, ke lefatshe le le kwa bokone jwa Aferika.[1] Ke karolo ya kgaolo ya Maghreb ya Aferika Bokone, e tshwaraganetse molelwane le Algeria go ya kwa bophirima le borwabophirima, le Libya go ya kwa borwabotlhaba, le Lewatle la Mediterranean go ya kwa bokone le botlhaba. E na le mafelo a ditso a Carthage a a saleng a nna teng go tloga ka lekgolo la bo9 la dingwaga, mmogo le Great Mosque ya Kairouan. E itsege ka kago ya yone ya bogologolo, marekisetso le bontle jwa lotshitshi la lewatle jo bo akaretsang 163,610 km2 (63,170 sq mi), mme e na le baagi ba le dimilione di le 12,1. E akaretsa bokhutlo jwa botlhaba jwa Dithaba tsa Atlas le bokone jwa sekaka sa Sahara; bontsi jwa karolo e kgolo ya sebatla sa yone ke sa temo. Dikilometara di le 1,300 (810 mi) tsa lotshitshi ke tse go kopanang teng dikgaolo tsa Afrika tse di leng mo bophirima le botlhaba jwa Mediterranean Basin. Tunisia o ikanegile mo bokone jwa Aferika, ko makopanelong a Cape Angela; mme motsemogolo wa lone le toropokgolo ke Tunis, e e mo lotshitshing lwa bokonebotlhaba, mme e naya lefatshe leina la lone.
Go simolola mo metlheng ya maloba, baagi ba tlholegilng kwaTunisia ke Ba-Imazighen . Ba-Fenikia ba ile ba tla go thibelela koo morago mo lekgolong la bo12 la dingwaga BC, ba tlhoma metse e le mmalwa, mme Carthage e ne ya fetoga go nna le maatla mo lekgolong la bosupa la dingwaga BC. Carthage e ne e le mmusomogolo wa mercantile le batlhabani bagolo ba sesole kgatlhanong le Rephaboliki ya Roma go fitlha ka 146 BC, fa e ne e fenngwa ke Baroma ba saleng ba thibeletse mo Tunisia dingwaga di le makgolo a robabobedi tse di fitileng. Baroma ba ne ba tlisa Bokeresete mme ba tlogela Amphitheatre ya El Jem e le ditso. Ba letso la Semoseleme ba ne ba fenya Tunisia mo lekgolong le bosupa la dingwaga AD, (e atlega go nna le dikgaolo di le 697 morago ga tse 647 kwa tshimologong), mme ba tlisa Boiselamo le setso sa Searabia mo baaging ba lefelo leo. Morago ga moo, ka 1546, Mmusomogolo wa Ottoman o ne wa tlhoma taolo koo, mo dingwageng tse di fetang Makgolo a mararo, go fitlha ka ngwaga wa 1881, fa Bafora ba fenya Tunisia. Ka 1956, Tunisia e ne ya tsaya boipuso mme ya nna Rephaboliki ya Tunisia ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Habib Bourguiba ka thuso ya batsosolosi jaaka Chedly Kallala, Farhat Hached le Salah ben Youssef. Gompieno, setso le boitshupo jwa Tunisia di theilwe ka go kopana ga ditso le merafe e e farologanyeng go tswa bogologolong.
Ka 2011, Dikgoberego tsa Tunisia, tse di neng di bakiwa ke go sa kgotsofalela kgololesego le temokerasi ka fa tlase ga puso ya ga tautona Zine El Abidine Ben Ali, ya dingwaga tse di masome mabedi le bone, di ile tsa menola puso ya gagwe mme tsa rotloetsa mokgatlho o mogolo wa Arab Spring go ralala kgaolo.Go ne ga nna le Ditlhopho tsa palamente tsa makoko a le mantsi moragonyana fela ga moo; lefatshe le ne la bowa gape la tshwara ditlhopho tsa palamente ka Phalane a tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro ka 2014[2], le tsa botautona Ngwanaatsele a tlhola malatsi a le masome a mabedi le boraro ka 2014.[3] Tunisia e ne ya nna repaboliki ya temokerasi ya boemedi jwa tautona morago ga referendum ya molaotheo ya 2022, Go tloga ka 2014 go ya kwa go 2020, Tunisia o ne a tsewa jaaka lefatshe le le nosi le le nag le kgololesego mo Lefatsheng la Maarabia, go ya ka Economist Intelligence Unit's Democracy Index[4], mme e ne ya tsewa e le puso ya boleng mo tshupaneng ya 2021.[5] Ke lengwe la mafatshe a le mmalwa mo Aferika a a leng kwa godimo mo Human Development Index, le na le letseno le le kwa godimo go gaisa mo kontinenteng, le le mo maemong a bo 129 mo GDP ya letseno.
Tunisia e kopantswe sentle le setšhaba sa boditšhabatšhaba. Ke leloko la United Nations, La Francophonie, Arab League, OIC, African Union, COMESA, Non-Aligned Movement, International Criminal Court, le Group of 77, gareng ga tse dingwe. E na le tirisano mmogo e e siameng le mafatshe a Yuropa mo go tsa itsholelo le sepolotiki, segolo jang Fora[6], le Italy,[7][8] ka ntlha ya go kopanela molelwane. Tunisia gape e na le tumalano ya tirisanommogo le European Union mme e ne ya tsaya maemo a go sa nna mophato o mogolo wa Nato ya United States.